Acts 8

Saulo o bogisa badumedi

1Mme Saulo o ne a dumalana le gore Setefane a bolawe. Mme pogiso e kgolo ya badumedi ya simologa ka letsatsi leo, ya tlhasela, mme mongwe le mongwe a tshabela kwa Judea le Samaria kwa ntle ga baaposetoloi fela. 2(Mme bangwe ba badumedi ba Bajuta ba tla go fitlha Setefane ka kutlo-botlhoko e kgolo). 3Mme Saulo o ne a nna jaaka setsenwa, a tsamaya gongwe le gongwe a nyeletsa badumedi, a tsena mo matlung a swatola banna le basadi a ba tsenya mo kgolegelong.

Filipo o rera kwa Samarea

4Mme badumedi ba ba neng ba tshabile kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya gongwe le gongwe ba rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu! 5Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng. 6Bontsintsi jo bogolo jwa batho bo ne jwa reetsa thata se o neng a tshwanetse go se bua ka ntlha ya go bona dikgakgamatso tse o neng a di dira. 7Mewa e le mentsi e e maswe e ne ya ntshediwa kwa ntle, e goa fa e tswa mo bathong ba e neng e ba tsenye, mme ba le bantsi ba ba neng ba tetesela kgotsa ba ba neng ba golafetse ba fodisiwa, 8mme ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo!

Ka ga Simone wa moloi

9
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 8:11.
10
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 8:11.
11
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 8:9-11.
Mme monna mongwe yo o neng a bidiwa Simone o ne a kile a bo a dira boloi ka dingwaga di le dintsi; e ne e le monna yo o tlhotlheletsang thata, a bile a le boikgogomoso ka ntlha ya dikgakgamatso tse o neng a di dira mo e leng gore Basamaria ba ne ba tlwaetse go bua kaga gagwe ba re ke Mesia.
12Mme jaanong ba ne ba dumela molaetsa wa ga Filipo gore Jesu e ne e le Mesia, le mafoko a gagwe kaga Bogosi jwa Modimo; mme go ne ga kolobediwa banna le basadi ba le bantsi. 13Mme Simone ka sebele a dumela a bo a kolobediwa jalo a simolola go sala Filipo morago gongwe le gongwe kwa a yang teng, mme o ne a hakgamadiwa ke dikgakgamatso tse (Filipo) o neng a di dira.

14Mme erile fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa fa batho ba Samaria ba amogetse molaetsa wa Modimo, ba romela Petere le Johane.

15Erile fela jaaka ba goroga ba simolola go rapelela Bakeresete ba basha ba, go amogela Mowa O O Boitshepo. 16Gonne o ne o ise o tle mo go ope wa bone ka gonne ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu. 17Jalo Petere le Johane ba baya diatla tsa bone mo badumeding ba, mme ba amogela Mowa O O Boitshepo.

18Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e. 19Mme o ne a re, “Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!”

20Mme Petere a mo fetola a re, “A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa! 21Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo. 22Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula, 23gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago.”

24Mme Simone a re, “Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele.”

25Morago ga bosupi le thero mo Samaria, Petere le Johane ba ne ba boela Jerusalema, mme ba tla ba ema mo metsaneng ya Samaria mo tseleng go rera Mafoko a a Molemo.

Go sokologa ga motho wa Itopia

26Mme Filipo ene, moengele wa Morena a mo raya a re, “Ya kwa tseleng e e tswang Jerusalema e e ralalang sekaka sa Gasa, o goroge motshegare.” 27Mme o ne a dira jalo, mme ya re mo tseleng ga bo go tla mang fa e se motshola madi wa Itopia, moopa wa taolo kgolo ka fa tlase ga Kgosigadi ya Itopia. O ne a ile Jerusalema go rapela kwa Tempeleng, 28mme o ne a bowa a le mo kareng ya gagwe a balela kwa godimo mo lokwalong lwa ga moporofiti Isaia. 29Mowa O O Boitshepo wa raya Filipo wa re, “Tsamaya o ye gaufi le kara!”

30Filipo a taboga mme a utlwa se o neng a se bala mme jalo a botsa a re, “A o tlhaloganya se o se balang?”

31Mme monna a fetola a re, “Tota ga ke tlhaloganye! Nka tlhaloganya jang go sena yo o ntlhalosetsang?” Jalo a kopa Filipo go palama kara gore a tle go nna nae.

32Se o neng a se bala mo lokwalong se ne se balega jaana. “O ne a gogwa jaaka nku e isiwa kwa matlhabelong, le jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga babeodi ba yone, ga a ka a tswa molomo; 33mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”

34Mme moopa a botsa Filipo a re, “A Isaia o ne a bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe?”

35Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu. 36Erile ba ntse ba tsamaya ka koloi, ba fitlha fa metsing mangwe, moopa a re, “Metsi ke a, ke eng fa ke sa kolobediwe?”

37Filipo o ne a mo araba a re, “O ka kolobediwa fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe.” Mme moopa a fetola a re, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.” 38Mme a emisa kara ya gagwe ba fologela mo teng ga metse mme Filipo a mo kolobetsa. 39Mme erile fa ba tswa mo metsing, Mowa wa Modimo wa tsaya Filipo, mme moopa a seka a tlhola a mmona gape, mme a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.

40Mme ka nako eo Filipo ene a ipona a le kwa Asoto. O ne a rera Mafoko a a Molemo gone koo le mo motseng mongwe le mongwe mo tseleng, fa a ya Kaesara.
Copyright information for TsnLEF